Browse Results

Showing 51 through 75 of 144 results

Setswana Puo ya Gae Mophato 5 Buka ya morutwana: UBC Contracted

by M. P. Mogapi M. M. Mohulatsi B. P. Lekome N. N. Semenya

Buka eno e na le dithutiso tse dintsi tse di kgatlhang tse di tla go thusang gore o kgone go bua Puo ya Gae ya galona. O tla ja monate, o tla ipelela go ithuta le balekane ba phaposiborutelo ya lona le go bona bokgoni jwa gago jotlhe bo tokafala. Fa o ntse o ikatisa, o tla nna botoka mo go bueng, go reetseng, go buiseng le go kwaleng ka loleme lwa galona. Gape go tla naya kgololesego ya go itlhalosa le go ikaga ka katlego.

Setswana Puo ya Gae Mophato 5 Buka ya morutwana: UBC Uncontracted

by M. P. Mogapi M. M. Mohulatsi B. P. Lekome N. N. Semenya

Buka eno e na le dithutiso tse dintsi tse di kgatlhang tse di tla go thusang gore o kgone go bua Puo ya Gae ya galona. O tla ja monate, o tla ipelela go ithuta le balekane ba phaposiborutelo ya lona le go bona bokgoni jwa gago jotlhe bo tokafala. Fa o ntse o ikatisa, o tla nna botoka mo go bueng, go reetseng, go buiseng le go kwaleng ka loleme lwa galona. Gape go tla naya kgololesego ya go itlhalosa le go ikaga ka katlego.

Setswana Puo ya Gae Mophato 6 Buka ya mortwana: UBC uncontracted

by M. P. Mogapi M. M. Mohulatsi B. P. Lekome N. N. Semenya

Go sa kgathalasege gore o mang, gore o dirang mo botshelong le gore o loga leano la go dirang mo isagweng, go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa Puo ya Gae ke sone senotlolo sa gore o ikage gore o kgone go atlega. Buka eno e tla go thusa gore o godise bokgoni jwa gago jwa go buisa, go kwala, go bua le go reetsa. O tla nna le dilo tse dintsi tse di kgatlhisang fa o ithuta tse dintsi ka ga puo ya gago, mme fa o dira ka natla o tla nna setswerere sa puisano kwa bofelong jwa ngwaga.

Setswana Puo ya Gae Mophato 6 Buka ya puiso: UBC contracted

by C. K Molefe

Bukapuiso eno e tshwanetse go dirisiwa le Setswana Puo ya Gae Mophato 6 Buka ya morutwana le Kaedi ya morutabana. The Via Afrika Home Language Core Reader has been developed in line with the CAPS requirements for the school year. The Core Reader contains folklore, short stories, novel, drama, poetry, information texts and media texts as well as activities on every text. The Core Reader also includes an introductory text on every genre covered in the book. The Teacher’s Guide provides generic guidance on how to teach the genre as well as specific information on how to teach each text. Answers to the activities in the Core Reader are provided in the Teacher’s Guide. The Core Reader must be used in conjunction with the Learner’s Book and Teacher’s Guide for the grade.

Setswana Puo ya Gae Mophato 6 Buka ya puiso: UBC uncontracted

Steve o a e nepa le Ditiro tse di kgatlhang tse batho ba di dirang

by Margaret Koopedi and Linda Michell

Setswana Puo ya Gae Kereite ya 6

Study And Master Nkgo Ya Puo Ya Setswana Mophato wa 11 Buka Ya Morutwana (learner's Book): UBC uncontracted

by Lesego Mahlabe Ntompi Moikanyane

Study & Master Nkgo ya Puo ya Setswana ke metseletsele ya dibuka tse di kwaletsweng barutwana ba Setswana mo Sekgamung sa Dithuto tse Dikgolwane (FET). Dibuka tse, di kwadilwe ka maitemogelo le bokgoni go arabela ditlhokego tsa meetlo, melawana, diteng le dikgono tse solofelwang ke Pegelo ya Pholisi ya Bosetšhaba ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo. Buka ya Morutwana • E humile ka ditirwana tse di rotloetsang morutwana go akanya le go tsosolosa kgatlhego ya go itse, go dirisa le go ikgantsha ka puo ya Setswana. • E na le kitsokakaretso e e rulagantsweng ka botswerere go ruta ngwao le setso, go aga botho jo bo feletseng jwa ngwana wa mmala wa sebilo. • E humile thutapuo go tlhokotsa tirisopuo e e lolameng. • Ditlhangwa di tlhophilwe sentle go lebeletswe ditiragalo tsa maloba le tsa sešeng. • E humile ka dikao tsa ditlhatlhobo le mefuta mengwe ya ditekanyetso go ya ka Lenaane la Tekanyetso. Buka ya Morutabana • E rulagantswe ka matsetseleko go kgontsha morutabana go fitlhelela diteng tse di maleba bonolo. • E humile ka dikarabo tse di tshitshintsweng, diruboriki le ditsibogelo tse dingwe tse di maleba tsa ditirwana ka kakaretso. • E kaela morutabana kgato ka kgato ka fa dithuto di ka tsamaisiwang ka gone. • E thusa morutabana go busetsa boleng jwa ngwana wa Motswana ka go mo ruta meetlo, ngwao le setso. • Ke letlhomeso le morutabana a ka agelang dithuto le ditirwana tse dingwe tse di etleetsang dikgono tsa go reetsa le go bua, go buisa le go lebelela, go kwala le go tlhagisa go tsenyeleditswe thutapuo ka matsetseleko.

Study And Master Nkgo Ya Puo Ya Setswana Mophato wa 11 (learner's Book): UBC contracted

Tsa-lerato O Ngwanaka: UBC uncontracted

by Mmabatho M Mokoka

Kedibone moratiwa wa ga Obakeng o a ima mme Obakeng o lebane le go fetsa kwa Yunibesithing. Kedibone o boela morago kwa monneng o a mo tlhadileng mme monna o o itumeletse go tsaya molato wa ga Obakeng. Buisa! Kedibone falls pregnant, but her boyfriend is more focused on finishing school. Kedibone decides to go back to her ex- husband, who gladly accepts her pregnancy. Read how this story turns out!

Tsa-lerato O Ngwanaka: UBC contracted

Via Afrika Setswana Puo Ya Gae Mophato 4 Buka ya puiso

by M. P Mogapi P. C. Mooa

Bukapuiso eno e tshwanetse go dirisiwa le Setswana puo ya Gae Mophato 4 Buka ya morutwana le Kaedi ya morutabana.

Via AfrikaSetswana Puo ya Gae Mophato 5 buka ya puiso

by M. P. Mogapi P. C. Mooa

Bukapuisano eno e tshwanetse go dirisiwa le Setswana Puo ya Gae Mophato 5 Buka ya morutwana le Kaedi ya morutabana.

ditharabololo tsa botlhe Setswana Buka ya Morutwana Mophato 12: UBC contracted

by D. Matjila Q. Ramotsehoa G. Segone

Ditharabololo tsa botlhe Setswana ke tlhatlhamano ya dibuka tsa baithuti botlhe ba Aferika Borwa bao Setswana e leng puo ya bona ya kwa gae. Tlhatlhamano e e nonofaleditswe go tshegetsa diteng (kitso, tlhaloganyo le makgoni) jaaka di tlhagisitswe go ya ka Setatemente sa Kharikhulamo ya Bosetšhaba (NCS), ka thulaganyo ya Pegelo ya Pholisi ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo (CAPS) ya Setswana Puo ya Gae. Ditharabololo tsa botlhe Setswana Puo ya Gae le rulagantswe go tshegetsa go ruta le go ithuta mo phaposiborutelong ya Setswana Puo ya Gae, ka go tlhagisa dire tse di tla rutwang le go lekelelwa mo phaposiborutelong mo metsotsong e ka nnang 30-60 ya dithuto. Mo thutong nngwe le nngwe, baithuti ba tla: • setlelela se ba setseng ba se itse ka dithuto • ithuta dintlha di le mmalwa ka ga setlhogo • ikatisa ba dirisa kitso e ntšhwa, tlhaloganyo le makgoni a ba tla a ipapallang ona mo thutong. Go oketsa, baithuti ba tlhagisediwa: • ditiro tsa gae tse di okeditsweng • ditiro tsa tlaleletso tse di lebaneng le phekolo le khumiso • tshosobanyo ya ditiro tsa tsheko yotlhe ya tiro. Tsheko ka akaretsa tiro ya beke kgotsa go feta. Dikarolo tsa dithusathuto tsa Ditharabololo tsa botlhe Setswana ke tse di latelang: • Buka ya Morutwana e e mebalabala. Baithuti ba tla setlelela se ba setseng ba se itse ka dithuto mo thutong nngwe le nngwe; ba ithuta dintlha di le mmalwa ka ga setlhogo; ba ikatisa ba dirisa kitso e ntšhwa, tlhaloganyo le makgoni a ba tla a ipapallang ona mo thutong. Go oketsa, baithuti ba tlhagisetswa ditiro tsa gae tse di okeditsweng; ditiro tsa tlaleletso tse di lebaneng le phekolo le khumiso; tshosobanyo ya ditiro tsa tsheko yotlhe ya tiro. • Kaedi ya Morutabana e e neelanang ka ditlhokego tsotlhe tsa morutabana le morutwana go ba kgontsha go phatsima mo Mophatong wa 12. E akaretsa gape le ditiro tsa tlhatlhobo: tharabololo e e feletseng ya phaposiborutelo!

ditharabololo tsa botlhe Setswana Buka ya Morutwana Mophato 12: UBC uncontracted

Malakabe a pelo

by G Segone

Ditiro Mogale o itumetse – ke ngwaga yo o dirang Mophato wa 9 mme dilo tsotlhe di mo tsamaela sentle mmogo le balelapa la gaabo le ditsala. Ke ntsalaagwe Tshetsana fela yo o nang le lekau le a intshang le lona ka sephiri. Ditiro o tshwenyegile thata ka ene. Ke Keneilwe fela yo o itseng gore o tshwenyegile go le kana kang – Ditiro ga a batle go bolelela bagolo kwa gae gonne ga a batle go tsenya Tshetsana mo mathateng. Dithuto tse Ditiro a di fitlhelang kwa sekolong di mo tsenya tsebetsebe le go feta fa a akanya ka ga Tshetsana. Tota le go ba jela nala ga magodi ba gaabo ga go kokobetse makgwafo a gagwe ka ntlha ya mathata a ba yang ba a lebile. Fa ngwaga o tsweletse o ya, ditsala di ithuta ka ga nnete e e utlwisang botlhoko ya botshelo. Le fa go ntse jalo, go na le semaka se sentle se se mo letlhakoreng la ga Ditiro kwa bokhutlong jwa kanelo e. Bašwa ba Mophato wa 9 ba tla ikutlwa e kete ba inyalanya le Ditiro le ditsala tsa gagwe malebana le kgolo ya bona.

Mmadikotsi a ngeba

by A Smith, M Mokoka, K Mokgola

Mmadikotsi Moraka o ya go nna kwa motsemogolong mme o tsena sekolosegolo! Ditiragalo tse di khidiang tse, di lekane go khidia moithuti mongwe fela wa Mophato wa 8. O ya go mekamekana jang le maemo a? A o tlaa bonana gape le Boitumelo le Masego? Itsana le mokaulengwe wa ga Mmadikotsi yo mošwa, Green Ice, yo o tsegeng ka ditiro tse di sa isegeng. O tlatsa tlhaloganyo ya ga Mmadikotsi ka dikakanyo tse a sa di tlwaelang mme o mo tlhotlheletsa go tsenela kgaisano ya mmino le kopelo. A Mmadikotsi o ya go fetoga go nna lekgarebe le le dipang? A o ya go tsenela kgaisano ya mmino le kopelo? Mo tsamaong e, Masego o mekamekane le kgwetlho ya gagwe malebana le basetsana, mmogo le lelapa laabo. Goreng a tlhologetswe Mmadikotsi go le kana? O tla mekamekana jang le rraagwe yo o itsegeng ka dilo tse di sa isegeng, mme a bo a sireletsa le monnaawe? Mme go diragala kotsi e e golaganyang ditsala tsa bogologolo

Mmadikotsi kwa sekolong

by A Smith, K Mokgola, M Mokoka

Itsana le Mmadikotsi Moraka – Lekgarejana le lentlenyane la dingwaga di le 13, la mongebo o montle, matlho a a phatsimang, dipounama tse di kgolokwe, mme a le maitseo. Rragwe ke moruti wa kereke ya Tšhatšhe mme kgodiso ya ga Mmadikotsi e dirile gore a nne ditlhong le molemo. Mmadikotsi o eletsa go nna ngaka mo isagong. O kopana le Masego Motswaledi, mosimane yo o itsegeng tota mo sekolong, mme e nna ditsala. Goreng rraagwe Mmadikotsi a sa rate Masego? A botsalano jwa ga Mmadikotsi le Masego bo tlaa kgoreletsa tšhono ya gagwe ya go nna ngaka motsi mongwe. Ikutlwele gore go diragala eng ka ga Mmadikotsi mo tsamaong ya ngwaga wa gagwe ya Mophato wa 7 kwa sekolong. O ithuta go le gontsi ka ga botsalano, ka ntlha ya kgotlhang e e magareng a gagwe le Matlakala, mmogo le tshegetso e a e bonang go tswa go Boitumelo le Masego. Mmadikotsi o ithuta go le gontsi le ka ga ena ka namana, le ka ga ditsala tsa gagwe le losika – le ka ga go gola – mo pading e, ya bašwa, e e tletseng tiragatso, e e totileng bogolosegolo morutwana wa Mophato wa 7!

Mmadikotsi le masogwana a Soweto

by A Smith and M Thubisi

Masego o rata go kwala dikanelo mme o eletsa go nna le thuto ya maemogodimo. Le gale rraagwe o eletsa go mo ntsha sekolong gore a dire madi. Ka fa letlhakoreng le lengwe le le rotloetsang, batsadi ba ga Mmadikotsi Moraka ba simolola go rata Masego. Mo go Mophato wa 9, Masego le Mmadikotsi ba iponela ditsala tse dintšhwa – batho ba ba tlhotlheletsang mokgwa o ba itsholang le go akanya ka ona. Ba nna mo kgatelelong ya balekane, ya go dira dilo tse gale ba neng ba ka se di dire. A ba tlaa ineelela kgwetlho e ya go dira dilo dingwe tse bangwe ba mophato wa bona ba di dirang? Kwa bokhutlong jwa padi e ya bašwa, Masego o dumela gore e nnile "ngwaga wa matswakabele"! Ikutlwele gore a ena le Mmadikotsi ba lebanwe ke go nna mmogo – mme o buise ka ga tse dingwe tse di diragetseng ka ngwaga wa bona wa matswakabele wa Mophato wa 9.

Motse wa gauta

by G Segone

Ditiro Mogale o ne a tshwanelwa ke go tlogela tse a neng a di tlwaetse e bile a di itse kwa morago. O leba kwa toropokgolong, ena le mmaagwe le monnaawe go ya go nna le rangwaneagwe. Ditiro o tshwenngwa ke diphetogo tse di tla nnang teng mo botshelong jwa gagwe. Go feta fa, e bile o ya kwa sekolong se segolwane! Botshelo kwa toropokgolong bo bontle e bile bo a itumedisa. Matsapa ke fa a ne a lemoga gore maphatsiphatsi otlhe ga a kaye gore ke gauta! Mmaagwe o ne a sa itumelela dithulaganyo tse di dirilweng tsa botshelo jo boswa – tota le balelapa la ga rrangwaneagwe ba ne ba sa itumela. Gantsi go nna thata go motho mang kana mang go ithuta ditsela tse dintšhwa tsa botshelo. Ka fa letlhakoreng le lengwe go sekolo se sešwa – le go lemoga e kete o saletse kwa morago ka dithuto tsa gagwe fa a ipapisa le balekane ba gagwe. Keneilwe le ene o ne a tshwanelwa ke go fudugela kwa toropokgolong gaufi le kwa Ditiro a nnang teng mme botsala jwa bona bo tla tswela pele. Ga nna botoka gore bonnye, sengwenyana mo botshelong jwa gagwe ke sa setlwaedi. Ditiro o lemoga gore ke setswerere sa kgwele ya dinao mme o dirisa motshameko o go tlosa kgakanego e e mo go ene tebang le sekolo, kwa lelapeng la gaabo le ka ga botsala jwa gagwe le Keneilwe mo tsamaong ya gagwe ya Mophato wa 8. Ngwaga oo, o fela ka maikutlo a a kwa godimo mo go Ditiro le Keneilwe. Kanelo e, e tlaa go tlogela o gamaregile, o eletsa go itse gore go tlaa diragala eng kwa pele.

Nkgo ya Puo ya Setswana Buka ya Morutwana Mophato wa 12: UBC uncontracted (Caps Setswana Ser.)

by Lesego Mahlabe Ntompi Moikanyane

Lesego Mohlabe ke modiredipuso kwa Lefapheng la Thuto kwa Bokone Bophirima. Ka maemo ke Deputy Chief Education Specialist (DCES) mo Lekaleng la Ditlhatlhobo a dira jaaka mogokaganyimogolwane wa School Based Assessment (SBA) mo porofenseng. Tiro ya gagwe ke go netefatsa gore barutwana ba Mophato wa 10-12 ba baakanyediwa go tlhagisa phitlhelelo e e maleba mo dirutweng tsotlhe. Ntompi Moilanyane e ne e le morutabana wa Setswana le Thutalefatshe kwa Tebogwana Secondary School kwa porofenseng ya Gauteng. Gajaana ke Tlhogo ya Lefapha (HOD) kwa Bethesda Special School a dira jaaka School Based Support Team Coordinator. Bakwadi ka bobedi ke Batswana ka tsalo e bile ba godisitswe ka molao wa Setswana. Ba setse ba tlhagisitse dikwalo di le mmalwa mmogo, ka puo ya batho.

Nkgo ya Puo ya Setswana Buka ya Morutwana Mophato wa 12: UBC contracted (Caps Setswana Ser.)

by Lesego Mahlabe Ntompi Moikanyane

Lesego Mohlabe ke modiredipuso kwa Lefapheng la Thuto kwa Bokone Bophirima. Ka maemo ke Deputy Chief Education Specialist (DCES) mo Lekaleng la Ditlhatlhobo a dira jaaka mogokaganyimogolwane wa School Based Assessment (SBA) mo porofenseng. Tiro ya gagwe ke go netefatsa gore barutwana ba Mophato wa 10-12 ba baakanyediwa go tlhagisa phitlhelelo e e maleba mo dirutweng tsotlhe. Ntompi Moilanyane e ne e le morutabana wa Setswana le Thutalefatshe kwa Tebogwana Secondary School kwa porofenseng ya Gauteng. Gajaana ke Tlhogo ya Lefapha (HOD) kwa Bethesda Special School a dira jaaka School Based Support Team Coordinator. Bakwadi ka bobedi ke Batswana ka tsalo e bile ba godisitswe ka molao wa Setswana. Ba setse ba tlhagisitse dikwalo di le mmalwa mmogo, ka puo ya batho.

Setswana Tota Mophato wa 12 Buka ya Barutwana: UBC Contracted

by D. P. Mathekga B. T. Sekete N. E. Tlotleng L. B. Ramphore D. F. Legote M.M.E. Serobatse

Buka ya Setswana Tota Mophato wa 12, ke nngwe ya dibuka tsa motseletsele wa dibuka tsa Setswana Puo ya Gae. Setswana Tota e na le dikarolo tse di latelang: Buka ya Barutwana le Kaedi ya Morutabana. Dibuka tse di tshotse tse di latelang: Go bonolo go dirisa dibuka tse ka gonne kagego le tsamaiso ya tsona e latelega bonolo, mme di ikamaganya le Pegelo ya Pholisi ya Bosetšhaba ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo. Motseletsele o wa dibuka o kwadilwe ke barutabana ba ba nang le maitemogelo le baitseanape ba kharikhulamo. Buka ya barutwana ya Setswana Tota e thusa barutwana ka tse di latelang: • E tlhalosa ka tsenelelo bokgoni mo kharikhulamong ya puo jaaka, go reetsa le go bua, go buisa le go lebelela, go kwala le go tlhagisa. Popego ya puo le melawana ya tiriso di lomagantswe mo dikarolong tsotlhe tsa puo. • Ditiro tse di filweng barutwana di ba thusa go tlhaloganya le go nna le kitso e e tseneletseng ya go kwala dikgangkhutshwe, diathikele tsa makwalodikgang, go buisa le go tlhaloganya ditshwantsho le dikhathuni le tse dingwe. • Kgweditharo ya bone e na le ditlhatlhobo tse di thusang barutwana go ipaakanyetsa tlhatlhobo ya bofelo jwa ngwaga le go ba sedimosa ka dipotso tse ba ka di solofelang le gore ba ka di araba jang. • Barutwana ba sedimoswa ka go ithuta dikwalo gore ba tle ba kgone go tlhaloganya le go sekaseka dikwalo tsotlhe tse ba di tlhaoletsweng mo mophatong wa 12. Kaedi ya Morutabana E na le diteng tse di tlhaloganyegang tsa kgweditharo nngwe le nngwe. E naya morutabana tshedimoso e e tseneletseng ka kharikhulamo le go mo kaela go dirisa buka ya morutabana ka iketlo. E kaela morutabana ka ditiro tsa tlhatlhobo le go thusa barutwana ba ba nang le bokoa. Kgweditharo nngwe le nngwe e na le ditiro tsa tlhatlhobo le dimemorantamo tsa tsona.

Setswana Tota Mophato wa 12 Buka ya Barutwana: UBC Uncontracted

Setswana Tota Mophato wa 7: UBC Contracted

by M. E Maboee M Ramashala

Buka ya Setswana Tota Mophato wa 7-9, ke nngwe ya dibuka tsa motseletsele wa dibuka tsa Setswana Puo ya Gae. Setswana Tota e na le dikarolo tse di latelang: Buka ya Barutwana, Buka ya go Buisa le Kaedi ya Morutabana. Dibuka tse di tshotse tse di latelang: Go bonolo go dirisa dibuka tse ka gonne kagego le tsamaiso ya tsona e latelega bonolo, mme di ikamaganya le Pegelo ya Pholisi ya Bosetšhaba ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo. Motseletsele o wa dibuka o kwadilwe ke barutabana ba ba nang le maitemogelo le baitseanape ba kharikhulamo. Buka ya barutwana ya Setswana Tota e thusa barutwana ka tse di latelang: • E tlhalosa ka tsenelelo bokgoni mo kharikhulamong ya puo jaaka, go reetsa le go bua, go buisa le go lebelela, go kwala le go tlhagisa. Popego ya puo le melawana ya tiriso di lomagantswe mo dikarolong tsotlhe tsa puo. • Ditiro tse di filweng barutwana di ba thusa go tlhaloganya le go nna le kitso e e tseneletseng ya go kwala dikgangkhutshwe, diathikele tsa makwalodikgang, go buisa le go tlhaloganya ditshwantsho le dikhathuni le tse dingwe. • Kgweditharo ya bone e na le ditlhatlhobo tse di thusang barutwana go ipaakanyetsa tlhatlhobo ya bofelo jwa ngwaga le go ba sedimosa ka dipotso tse ba ka di solofelang le gore ba ka di araba jang. • Barutwana ba sedimoswa ka go ithuta dikwalo gore ba tle ba kgone go tlhaloganya le go sekaseka dikwalo tsotlhe tse ba di tlhaoletsweng mo mophatong wa 7-9. Kaedi ya Morutabana E na le diteng tse di tlhaloganyegang tsa kgweditharo nngwe le nngwe. E naya morutabana tshedimoso e e tseneletseng ka kharikhulamo le go mo kaela go dirisa buka ya morutabana ka iketlo. E kaela morutabana ka ditiro tsa tlhatlhobo le go thusa barutwana ba ba nang le bokoa. Kgweditharo nngwe le nngwe e na le ditiro tsa tlhatlhobo le dimemorantamo tsa tsona. Buka ya go Buisa E tletse ka dikgang tse di monate tse di amang matshelo a barutwana. Buka e e akaretsa dikwalo tse di farologaneng jaaka: • Poko • Dikgangkhutshwe • Dinaane le • Terama. Mo bofelong jwa sekwalwa sengwe le sengwe go na le dipotso tse di thusang morutwana go gakologelwa se a se buisitseng.

Setswana Tota Mophato wa 7 Buka ya Barutwana: UBC Uncontracted

Refine Search

Showing 51 through 75 of 144 results