- Table View
- List View
Tshoswane o thusa Leeba
by Kholeka Mabeta and Judith Baker — Translated by Lorato TrokSetswana — First sentences
Via Afrika Ditlhangwa tsa setso Setswana Puo ya Gae Mophato 12: UBC contracted
by Batlhami Gape Leeuw Botsang Lekome Christopher MooaA o batla go ikitse? A o batlana le setlhangwa se se ka tsosolosang boleng jwa kitso ya tlholego mo go wena? A o batla go falola marematlou a gago ka dipholo tse di tsabakelang dinaledi? Fa go le jalo se etsaetsege, setlhangwa sa rona sa setso sa `Via Afrika` Mophato 12, se teng go go tlhaba matlhale-dinaane tse di supang boitlhamedi jo bo manontlhotlho, tse di lepalepanang le dinako, ditshwantsho tse di tlhapileng jaaka dinaledi, maboko a a gakololang motho setso sa gagwe, puo e e nopolegang ya diane le maele mmogo le dithamalakwane tsa maloba, maabane le gompieno. Botlhokwa jwa buka e go Motswana mongwe le mongwe yo o ipelang ka puo ya gaabo, e e leng letlotlo la polokelo ya botlhokwa ya melao le setso, bo ka se lekanngwe le sepe. E dire karolo ya loeto lwa botshelo jwa gago, o somarela puo le ngwao tsa gaeno. Tsotlhe tse, di tlhagisiwa ka thulaganyo e e sa tseiseng ope sedidi, ka dipotso tsa boleng jo bo kwa godimo. Setlhangwa se, se arabela ka botlalo ditlhokego tsa Pegelo ya Pholisi ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo. Ga se setlhangwa sa barutwana kwa dikolong fela, ke sa motho mang kgotsa mang yo o nyoretsweng go ikitse.
Via Afrika Ditlhangwa tsa setso Setswana Puo ya Gae Mophato 12: UBC uncontracted

Via Afrika Setswana Puo Ya Gae Mophato 4 Buka ya puiso
by M. P Mogapi P. C. MooaBukapuiso eno e tshwanetse go dirisiwa le Setswana puo ya Gae Mophato 4 Buka ya morutwana le Kaedi ya morutabana.
Via AfrikaSetswana Puo ya Gae Mophato 5 buka ya puiso
by P. C. Mooa M. P. MogapiBukapuisano eno e tshwanetse go dirisiwa le Setswana Puo ya Gae Mophato 5 Buka ya morutwana le Kaedi ya morutabana.
ditharabololo tsa botlhe Setswana Buka ya Moithuti Mophato 11: UBC contracted
by D. Matjila Q. Ramotsehoa G. SegoneDitarabololo tsa botlhe Setswana Buka ya Morutwana e nonofaleditswe go tshegetsa diteng (kitso, tlhaloganyo le makgoni) jaaka di tlhagisitswe go ya ka Setatemente sa Kharikhulamo ya Bosetšhaba (NCS), ka Thulaganyo ya Pegelo ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo (CAPS) ya Setswana Puo ya Gae. Ditharabotolo tsa botlhe Setswana e rulagantswe go tshegetsa go ruta le go ithuta mo phaposiborutelong ya Setswana Puo ya Gae, ka go tlhagisa dire tse di tla rutwang le go lekelelwa mo phaposiborutelong. Mo thutong nngwe le nngwe, barutwana ba tla: • Setlelela se ba setseng ba se itse ka dithuto • Ithuta dintlha di le mmalwa ka ga setlhogo • Ikatisa ba dirisa kitso e ntšhwa, tlhaloganyo le makgoni a ba tla a ipapalelang ona mo thutong. Go oketsa, baithuti ba tlhagisetswa: • Ditiro tsa gae tse di okeditsweng • Ditiro tsa tlaleletso tse di lebaneng le phekolo le khumiso • Tshosobanyo ya ditiro tsa tsheko yotlhe ya tiro. Tsheko e ka akaretsa tiro ya beke kgotsa go feta. Ditharabololo tsa botlhe Setswana Buka ya Morutwana, e tshegeditswe ke Ditharabololo tsa botlhe Setswana Kaedi ya Morutabana. Tlhatlhamano e e neelana ka ditlhokego tsotlhe tsa morutabana le moithuti go ba kgontsha go phatsima mo Mophatong wa 11: tharabololo e e feletseng ya phaposiborutelo!
ditharabololo tsa botlhe Setswana Buka ya Moithuti Mophato 11: UBC uncontracted

ditharabololo tsa botlhe Setswana Buka ya Morutwana Mophato 12: UBC contracted
by D. Matjila Q. Ramotsehoa G. SegoneDitharabololo tsa botlhe Setswana ke tlhatlhamano ya dibuka tsa baithuti botlhe ba Aferika Borwa bao Setswana e leng puo ya bona ya kwa gae. Tlhatlhamano e e nonofaleditswe go tshegetsa diteng (kitso, tlhaloganyo le makgoni) jaaka di tlhagisitswe go ya ka Setatemente sa Kharikhulamo ya Bosetšhaba (NCS), ka thulaganyo ya Pegelo ya Pholisi ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo (CAPS) ya Setswana Puo ya Gae. Ditharabololo tsa botlhe Setswana Puo ya Gae le rulagantswe go tshegetsa go ruta le go ithuta mo phaposiborutelong ya Setswana Puo ya Gae, ka go tlhagisa dire tse di tla rutwang le go lekelelwa mo phaposiborutelong mo metsotsong e ka nnang 30-60 ya dithuto. Mo thutong nngwe le nngwe, baithuti ba tla: • setlelela se ba setseng ba se itse ka dithuto • ithuta dintlha di le mmalwa ka ga setlhogo • ikatisa ba dirisa kitso e ntšhwa, tlhaloganyo le makgoni a ba tla a ipapallang ona mo thutong. Go oketsa, baithuti ba tlhagisediwa: • ditiro tsa gae tse di okeditsweng • ditiro tsa tlaleletso tse di lebaneng le phekolo le khumiso • tshosobanyo ya ditiro tsa tsheko yotlhe ya tiro. Tsheko ka akaretsa tiro ya beke kgotsa go feta. Dikarolo tsa dithusathuto tsa Ditharabololo tsa botlhe Setswana ke tse di latelang: • Buka ya Morutwana e e mebalabala. Baithuti ba tla setlelela se ba setseng ba se itse ka dithuto mo thutong nngwe le nngwe; ba ithuta dintlha di le mmalwa ka ga setlhogo; ba ikatisa ba dirisa kitso e ntšhwa, tlhaloganyo le makgoni a ba tla a ipapallang ona mo thutong. Go oketsa, baithuti ba tlhagisetswa ditiro tsa gae tse di okeditsweng; ditiro tsa tlaleletso tse di lebaneng le phekolo le khumiso; tshosobanyo ya ditiro tsa tsheko yotlhe ya tiro. • Kaedi ya Morutabana e e neelanang ka ditlhokego tsotlhe tsa morutabana le morutwana go ba kgontsha go phatsima mo Mophatong wa 12. E akaretsa gape le ditiro tsa tlhatlhobo: tharabololo e e feletseng ya phaposiborutelo!
ditharabololo tsa botlhe Setswana Buka ya Morutwana Mophato 12: UBC uncontracted