- Table View
- List View
Melodi ya Poko: UBC Uncontracted
by Rm RamagoshiMelodi ya Poko ke kgoboko ya poko e ntšhwa e e tlhagafatsang, e kwadilwe ke baboki ba ba farologaneng ba mo nageng ka bophara mme ba tsweletsa dipaka le ditaele tsa botshwantshi tse di farologaneng. Kgoboko e, e tlhophetswe barutwana ba Mophato wa 12 ke Lefapha la Thuto mme e latela ditlhokego tsotlhe tsa Pegelo ya Pholisi ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo ya Setswana Puo ya Gae Mophato wa 12. Melodi ya Poko e tsweletsa diponagalo tse di ikgethileng tse di latelang: • matseno a a neelang barutwana lemorago la poko ka maikaelelo a go godisa kutlwisiso ya bona le gore ba itumelele poko • lokwalotshelo lwa mmoki mongwe le mongwe le le neelanang ka botshelo le ditiro tsa gagwe • dintlha tsa thuto ka ga poko tse di neelanang ka tshedimosetso ya lemorago la maboko, diponagalo tsa mefuta e e farologaneng ya maboko tse di tla thusang barutwana ka tshekatsheko ya maboko a a thata le go ba thusa ka ditiro tsa mo phaposing tsa morutwana ka nosi, barutwana ka bobedi le tsa setlhopha • lenanefoko kwa bofelong jwa kgoboko, lona le neelana ka ditlhaloso tsa mareo a poko tse di tla thusang barutwana go tlhaloganya poko bonolo • dipotso tsa mofuta wa tlhatlhobo tsa mangwe a maboko a a leng mo kgobokong di tla ba thusa go ikatisetsa tlhatlhobo ya makgaolakgang le dikarabo tse di ka solofelwang le tsona di neetswe go lekanya bokgoni jwa barutwana • tshupetso fa o sena go itepatepanya le kgoboko e, o tla rata go ithuta go ya kwa pele ka baboki le ditiro tse dingwe tsa bona.
Merogo e re siametse!
by Busile Cynthia Ndlovu TRANSLATED BY Dineo MoatsheSetswana – Longer Paragraphs
Metsi A Mokgakwana: UBC contracted
by Ka Mosala W. HumaMetsi A Mokgakwana Setswana Poetry Grade 11 prescribed literature CAPS
Metsi A Mokgakwana: UBC uncontracted
by Ka Mosala W. HumaMetsi A Mokgakwana Setswana Poetry Grade 11 prescribed literature CAPS
Mmadikotsi a ngeba
by A Smith, M Mokoka, K MokgolaMmadikotsi Moraka o ya go nna kwa motsemogolong mme o tsena sekolosegolo! Ditiragalo tse di khidiang tse, di lekane go khidia moithuti mongwe fela wa Mophato wa 8. O ya go mekamekana jang le maemo a? A o tlaa bonana gape le Boitumelo le Masego? Itsana le mokaulengwe wa ga Mmadikotsi yo mošwa, Green Ice, yo o tsegeng ka ditiro tse di sa isegeng. O tlatsa tlhaloganyo ya ga Mmadikotsi ka dikakanyo tse a sa di tlwaelang mme o mo tlhotlheletsa go tsenela kgaisano ya mmino le kopelo. A Mmadikotsi o ya go fetoga go nna lekgarebe le le dipang? A o ya go tsenela kgaisano ya mmino le kopelo? Mo tsamaong e, Masego o mekamekane le kgwetlho ya gagwe malebana le basetsana, mmogo le lelapa laabo. Goreng a tlhologetswe Mmadikotsi go le kana? O tla mekamekana jang le rraagwe yo o itsegeng ka dilo tse di sa isegeng, mme a bo a sireletsa le monnaawe? Mme go diragala kotsi e e golaganyang ditsala tsa bogologolo
Mmadikotsi kwa sekolong
by A Smith, K Mokgola, M MokokaItsana le Mmadikotsi Moraka – Lekgarejana le lentlenyane la dingwaga di le 13, la mongebo o montle, matlho a a phatsimang, dipounama tse di kgolokwe, mme a le maitseo. Rragwe ke moruti wa kereke ya Tšhatšhe mme kgodiso ya ga Mmadikotsi e dirile gore a nne ditlhong le molemo. Mmadikotsi o eletsa go nna ngaka mo isagong. O kopana le Masego Motswaledi, mosimane yo o itsegeng tota mo sekolong, mme e nna ditsala. Goreng rraagwe Mmadikotsi a sa rate Masego? A botsalano jwa ga Mmadikotsi le Masego bo tlaa kgoreletsa tšhono ya gagwe ya go nna ngaka motsi mongwe. Ikutlwele gore go diragala eng ka ga Mmadikotsi mo tsamaong ya ngwaga wa gagwe ya Mophato wa 7 kwa sekolong. O ithuta go le gontsi ka ga botsalano, ka ntlha ya kgotlhang e e magareng a gagwe le Matlakala, mmogo le tshegetso e a e bonang go tswa go Boitumelo le Masego. Mmadikotsi o ithuta go le gontsi le ka ga ena ka namana, le ka ga ditsala tsa gagwe le losika – le ka ga go gola – mo pading e, ya bašwa, e e tletseng tiragatso, e e totileng bogolosegolo morutwana wa Mophato wa 7!
Mmadikotsi le masogwana a Soweto
by A Smith and M ThubisiMasego o rata go kwala dikanelo mme o eletsa go nna le thuto ya maemogodimo. Le gale rraagwe o eletsa go mo ntsha sekolong gore a dire madi. Ka fa letlhakoreng le lengwe le le rotloetsang, batsadi ba ga Mmadikotsi Moraka ba simolola go rata Masego. Mo go Mophato wa 9, Masego le Mmadikotsi ba iponela ditsala tse dintšhwa – batho ba ba tlhotlheletsang mokgwa o ba itsholang le go akanya ka ona. Ba nna mo kgatelelong ya balekane, ya go dira dilo tse gale ba neng ba ka se di dire. A ba tlaa ineelela kgwetlho e ya go dira dilo dingwe tse bangwe ba mophato wa bona ba di dirang? Kwa bokhutlong jwa padi e ya bašwa, Masego o dumela gore e nnile "ngwaga wa matswakabele"! Ikutlwele gore a ena le Mmadikotsi ba lebanwe ke go nna mmogo – mme o buise ka ga tse dingwe tse di diragetseng ka ngwaga wa bona wa matswakabele wa Mophato wa 9.
Mmele wa me
by Clare Verbeek Thembani Dladla and Zanele Buthelezi TRANSLATED BY Lorato TrokSetswana – First words
Mokgadi o na le mosola
by Ruth Zitha Thembekile MsibiE ke tlhatlhamano ya dipadiso tse di itumedusang tse e leng motswedi o o tlhotlheletsang barutabana go ngokela le go rotloetsa baithuti mo phaposing. Buka nngwe le nngwe e tlhamilwe ka kelotlhoko e bile e siametse go tshegetsa baithuti ba e leng gona ba simololang go ithuta Setswana.
Moriri
by Clare Verbeek Thembani Dladla and Zanele Buthelezi — Translated by Lorato TrokSetswana — First words
Morutabana wa me
by Zimbili Dlamini and Hlengiwe Zondi — Translated by Lorato TrokSetswana — First words
Moses le tshwene le Botsala jo bo sa tlwaelegang
by Jenny Seed and Linda MichellSetswana Puo ya gae Kereite ya 6
Mosima o o Lefifi: UBC Contracted
by T. GoosenSetswana Puo ya Gae Kgato ya magareng Puiso e lekanyeditsweng go ya ka maemo Intermediate Phase Graded Reading Scheme ya Via Afrika e na le dipadi di le 36 tse di tlhametsweng go naya baithuti dikwadilweng tse di buisiwang tse di farologaneng tse di nnang di raraana fa tlhatlhamanong e ntse e tswelela. Dipadi tsa dikereiti tse di rileng di kgaoganngwa ka ditlhopha tse tharo: Dikwalo tsa maitlhamelo, Dikwalo tsa botlhamo tsa boammaaruri, Dikwalo tsa maitlhamelo tsa boammaaruri. Ditshwantsho tsa mebala ka botlalo le ditlhogo-thuto tse di kgatlhang thata di netefatsa gore baithuti ba tsamaisane le dipadi mme ba godise bokgoni jwa bone jwa go bala. Dipotso tse di kwa bofelong jwa padi nngwe le nngwe di ka dirisiwa mo puisanong ya setlhopha go phepafatsa go tlhaloganya se baithuti ba se buisitseng. Via Afrika Kgato ya magareng Puiso e lekanyeditsweng go ya ka dikgato e kgaogantswe ka dikereiti di le tharo: Buka ya puiso 1 go ya go 12 tsa Mophato ya 4; Buka ya puiso tsa 13 go ya go 24 tsa Mophato ya 5; Buka ya puiso tsa 25 go ya go 36 tsa Mophato ya 6. Lefa go ntse jalo, baithuti bangwe ba ka nna ba bona dipadi tse di kwa godimo tse di kwa tlase ga kereiti ya bone di siametse bokgoni jwa bone jwa go buisa. E ke Buka ya puiso 35, Dikwalo tsa maitlhamelo, Mophato 6 – bona gore e tsena fa kae mo Thulaganyong ya rona ya Puiso ya Dikereiti mo khabareng ya ka fa teng ya mo tshimologong ya buka eno.
Motimedi: UBC contracted
by D. P. MolotoA atlholelwa go kobiwa mo motseng wa Gauteng. Katlholo ya ga Molatlhegi e ne e latela molao o o reng fa motho a dira khuduego o tshwanetse go tlosiwa mo gareng ga batho, jalo Molatlhegi a romelwa Bohananwa. Molatlhegi was expelled from the village, as the law decreed, because during that time you were sent away if you sinned. He was banished to Bohananwa. What will life hold for him now?
Motimedi: UBC uncontracted
by D. P. MolotoA atlholelwa go kobiwa mo motseng wa Gauteng. Katlholo ya ga Molatlhegi e ne e latela molao o o reng fa motho a dira khuduego o tshwanetse go tlosiwa mo gareng ga batho, jalo Molatlhegi a romelwa Bohananwa. Molatlhegi was expelled from the village, as the law decreed, because during that time you were sent away if you sinned. He was banished to Bohananwa. What will life hold for him now?
Motlamparelo o mogolo le Melemo ya kalafi ya ka fa tlase ga maekerosekopo
by Gillian Leggat and Linda MichellSetswana Puo ya Gae Kereite ya 6
Motse wa gauta
by G SegoneDitiro Mogale o ne a tshwanelwa ke go tlogela tse a neng a di tlwaetse e bile a di itse kwa morago. O leba kwa toropokgolong, ena le mmaagwe le monnaawe go ya go nna le rangwaneagwe. Ditiro o tshwenngwa ke diphetogo tse di tla nnang teng mo botshelong jwa gagwe. Go feta fa, e bile o ya kwa sekolong se segolwane! Botshelo kwa toropokgolong bo bontle e bile bo a itumedisa. Matsapa ke fa a ne a lemoga gore maphatsiphatsi otlhe ga a kaye gore ke gauta! Mmaagwe o ne a sa itumelela dithulaganyo tse di dirilweng tsa botshelo jo boswa – tota le balelapa la ga rrangwaneagwe ba ne ba sa itumela. Gantsi go nna thata go motho mang kana mang go ithuta ditsela tse dintšhwa tsa botshelo. Ka fa letlhakoreng le lengwe go sekolo se sešwa – le go lemoga e kete o saletse kwa morago ka dithuto tsa gagwe fa a ipapisa le balekane ba gagwe. Keneilwe le ene o ne a tshwanelwa ke go fudugela kwa toropokgolong gaufi le kwa Ditiro a nnang teng mme botsala jwa bona bo tla tswela pele. Ga nna botoka gore bonnye, sengwenyana mo botshelong jwa gagwe ke sa setlwaedi. Ditiro o lemoga gore ke setswerere sa kgwele ya dinao mme o dirisa motshameko o go tlosa kgakanego e e mo go ene tebang le sekolo, kwa lelapeng la gaabo le ka ga botsala jwa gagwe le Keneilwe mo tsamaong ya gagwe ya Mophato wa 8. Ngwaga oo, o fela ka maikutlo a a kwa godimo mo go Ditiro le Keneilwe. Kanelo e, e tlaa go tlogela o gamaregile, o eletsa go itse gore go tlaa diragala eng kwa pele.