Browse Results

Showing 101 through 125 of 144 results

Pidipidi le ditsala

by Gladness Simelane

E ke tlhatlhamano ya dipadiso tse di itumedusang tse e leng motswedi o o tlhotlheletsang barutabana go ngokela le go rotloetsa baithuti mo phaposing. Buka nngwe le nngwe e tlhamilwe ka kelotlhoko e bile e siametse go tshegetsa baithuti ba e leng gona ba simololang go ithuta Setswana.

Ke a boloka

by Ruth Zitha Thembekile Msibi

Mokgadi o na le mosola

ditharabololo tsa botlhe Setswana Buka ya Moithuti Mophato 11: UBC contracted

by D. Matjila Q. Ramotsehoa G. Segone

Ditarabololo tsa botlhe Setswana Buka ya Morutwana e nonofaleditswe go tshegetsa diteng (kitso, tlhaloganyo le makgoni) jaaka di tlhagisitswe go ya ka Setatemente sa Kharikhulamo ya Bosetšhaba (NCS), ka Thulaganyo ya Pegelo ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo (CAPS) ya Setswana Puo ya Gae. Ditharabotolo tsa botlhe Setswana e rulagantswe go tshegetsa go ruta le go ithuta mo phaposiborutelong ya Setswana Puo ya Gae, ka go tlhagisa dire tse di tla rutwang le go lekelelwa mo phaposiborutelong. Mo thutong nngwe le nngwe, barutwana ba tla: • Setlelela se ba setseng ba se itse ka dithuto • Ithuta dintlha di le mmalwa ka ga setlhogo • Ikatisa ba dirisa kitso e ntšhwa, tlhaloganyo le makgoni a ba tla a ipapalelang ona mo thutong. Go oketsa, baithuti ba tlhagisetswa: • Ditiro tsa gae tse di okeditsweng • Ditiro tsa tlaleletso tse di lebaneng le phekolo le khumiso • Tshosobanyo ya ditiro tsa tsheko yotlhe ya tiro. Tsheko e ka akaretsa tiro ya beke kgotsa go feta. Ditharabololo tsa botlhe Setswana Buka ya Morutwana, e tshegeditswe ke Ditharabololo tsa botlhe Setswana Kaedi ya Morutabana. Tlhatlhamano e e neelana ka ditlhokego tsotlhe tsa morutabana le moithuti go ba kgontsha go phatsima mo Mophatong wa 11: tharabololo e e feletseng ya phaposiborutelo!

ditharabololo tsa botlhe Setswana Buka ya Moithuti Mophato 11: UBC uncontracted

Steve o a e nepa le Ditiro tse di kgatlhang tse batho ba di dirang

by Margaret Koopedi and Linda Michell

Setswana Puo ya Gae Kereite ya 6

Motlamparelo o mogolo le Melemo ya kalafi ya ka fa tlase ga maekerosekopo

by Gillian Leggat and Linda Michell

Setswana Puo ya Gae Kereite ya 6

Moses le tshwene le Botsala jo bo sa tlwaelegang

by Jenny Seed and Linda Michell

Setswana Puo ya gae Kereite ya 6

Dintsiterakone tse ditala le Tlhapi e khibidu ya herring

by Margot Long and Linda Michell

Setswana Puo ya Gae Kereite ya 6

Mekgatitswane e e bosula le Dikgolomodumo mo Boitlhamelweng jwa Bonetetshi

by Rosemary Golding and Ruth Pressler

Setswana Puo ya Gae Kereite ya 6

Motsemogolo wa canvas le Dikgang tse dingwe

by Jenny Seed and Ruth Pressler

Setswana Puo ya gae Kereite ya 6

Orville le Wilbur le Pipit o fofela kwo godimo go ba gaisa botlhe

by Jim Draper and Linda Michell

Setswana Puo ya Gae Kereite ya 6

Moagisani yo o modumo le Dikgang tse dingwe

by Rosemary Golding and Ruth Pressler

Sephiri sa Mapungubwe le Dikgang tse dingwe

by Barbara Herbert, Bob Herbert and Ruth Pressler

Setswana Puo ya Gae Kereite ya 6

Ke ka fao ba dirileng ka teng! le Se dirwa jang gompijeno

by Connie September and Ruth Pressler

Setswana Puo ya Gae Kereite ya 6

Matsatsi a le mararo mo sekgweng le Bokgoni jwa go phologa mo botshelong jwa nnete

by Margot Long and Linda Michell

Setswana Puo ya Gae Kereite ya 6

ditharabololo tsa botlhe Setswana Buka ya Morutwana Mophato 12: UBC contracted

by D. Matjila Q. Ramotsehoa G. Segone

Ditharabololo tsa botlhe Setswana ke tlhatlhamano ya dibuka tsa baithuti botlhe ba Aferika Borwa bao Setswana e leng puo ya bona ya kwa gae. Tlhatlhamano e e nonofaleditswe go tshegetsa diteng (kitso, tlhaloganyo le makgoni) jaaka di tlhagisitswe go ya ka Setatemente sa Kharikhulamo ya Bosetšhaba (NCS), ka thulaganyo ya Pegelo ya Pholisi ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo (CAPS) ya Setswana Puo ya Gae. Ditharabololo tsa botlhe Setswana Puo ya Gae le rulagantswe go tshegetsa go ruta le go ithuta mo phaposiborutelong ya Setswana Puo ya Gae, ka go tlhagisa dire tse di tla rutwang le go lekelelwa mo phaposiborutelong mo metsotsong e ka nnang 30-60 ya dithuto. Mo thutong nngwe le nngwe, baithuti ba tla: • setlelela se ba setseng ba se itse ka dithuto • ithuta dintlha di le mmalwa ka ga setlhogo • ikatisa ba dirisa kitso e ntšhwa, tlhaloganyo le makgoni a ba tla a ipapallang ona mo thutong. Go oketsa, baithuti ba tlhagisediwa: • ditiro tsa gae tse di okeditsweng • ditiro tsa tlaleletso tse di lebaneng le phekolo le khumiso • tshosobanyo ya ditiro tsa tsheko yotlhe ya tiro. Tsheko ka akaretsa tiro ya beke kgotsa go feta. Dikarolo tsa dithusathuto tsa Ditharabololo tsa botlhe Setswana ke tse di latelang: • Buka ya Morutwana e e mebalabala. Baithuti ba tla setlelela se ba setseng ba se itse ka dithuto mo thutong nngwe le nngwe; ba ithuta dintlha di le mmalwa ka ga setlhogo; ba ikatisa ba dirisa kitso e ntšhwa, tlhaloganyo le makgoni a ba tla a ipapallang ona mo thutong. Go oketsa, baithuti ba tlhagisetswa ditiro tsa gae tse di okeditsweng; ditiro tsa tlaleletso tse di lebaneng le phekolo le khumiso; tshosobanyo ya ditiro tsa tsheko yotlhe ya tiro. • Kaedi ya Morutabana e e neelanang ka ditlhokego tsotlhe tsa morutabana le morutwana go ba kgontsha go phatsima mo Mophatong wa 12. E akaretsa gape le ditiro tsa tlhatlhobo: tharabololo e e feletseng ya phaposiborutelo!

ditharabololo tsa botlhe Setswana Buka ya Morutwana Mophato 12: UBC uncontracted

Mmadikotsi kwa sekolong

by A Smith, K Mokgola, M Mokoka

Itsana le Mmadikotsi Moraka – Lekgarejana le lentlenyane la dingwaga di le 13, la mongebo o montle, matlho a a phatsimang, dipounama tse di kgolokwe, mme a le maitseo. Rragwe ke moruti wa kereke ya Tšhatšhe mme kgodiso ya ga Mmadikotsi e dirile gore a nne ditlhong le molemo. Mmadikotsi o eletsa go nna ngaka mo isagong. O kopana le Masego Motswaledi, mosimane yo o itsegeng tota mo sekolong, mme e nna ditsala. Goreng rraagwe Mmadikotsi a sa rate Masego? A botsalano jwa ga Mmadikotsi le Masego bo tlaa kgoreletsa tšhono ya gagwe ya go nna ngaka motsi mongwe. Ikutlwele gore go diragala eng ka ga Mmadikotsi mo tsamaong ya ngwaga wa gagwe ya Mophato wa 7 kwa sekolong. O ithuta go le gontsi ka ga botsalano, ka ntlha ya kgotlhang e e magareng a gagwe le Matlakala, mmogo le tshegetso e a e bonang go tswa go Boitumelo le Masego. Mmadikotsi o ithuta go le gontsi le ka ga ena ka namana, le ka ga ditsala tsa gagwe le losika – le ka ga go gola – mo pading e, ya bašwa, e e tletseng tiragatso, e e totileng bogolosegolo morutwana wa Mophato wa 7!

Mmadikotsi a ngeba

by A Smith, M Mokoka, K Mokgola

Mmadikotsi Moraka o ya go nna kwa motsemogolong mme o tsena sekolosegolo! Ditiragalo tse di khidiang tse, di lekane go khidia moithuti mongwe fela wa Mophato wa 8. O ya go mekamekana jang le maemo a? A o tlaa bonana gape le Boitumelo le Masego? Itsana le mokaulengwe wa ga Mmadikotsi yo mošwa, Green Ice, yo o tsegeng ka ditiro tse di sa isegeng. O tlatsa tlhaloganyo ya ga Mmadikotsi ka dikakanyo tse a sa di tlwaelang mme o mo tlhotlheletsa go tsenela kgaisano ya mmino le kopelo. A Mmadikotsi o ya go fetoga go nna lekgarebe le le dipang? A o ya go tsenela kgaisano ya mmino le kopelo? Mo tsamaong e, Masego o mekamekane le kgwetlho ya gagwe malebana le basetsana, mmogo le lelapa laabo. Goreng a tlhologetswe Mmadikotsi go le kana? O tla mekamekana jang le rraagwe yo o itsegeng ka dilo tse di sa isegeng, mme a bo a sireletsa le monnaawe? Mme go diragala kotsi e e golaganyang ditsala tsa bogologolo

Mmadikotsi le masogwana a Soweto

by A Smith and M Thubisi

Masego o rata go kwala dikanelo mme o eletsa go nna le thuto ya maemogodimo. Le gale rraagwe o eletsa go mo ntsha sekolong gore a dire madi. Ka fa letlhakoreng le lengwe le le rotloetsang, batsadi ba ga Mmadikotsi Moraka ba simolola go rata Masego. Mo go Mophato wa 9, Masego le Mmadikotsi ba iponela ditsala tse dintšhwa – batho ba ba tlhotlheletsang mokgwa o ba itsholang le go akanya ka ona. Ba nna mo kgatelelong ya balekane, ya go dira dilo tse gale ba neng ba ka se di dire. A ba tlaa ineelela kgwetlho e ya go dira dilo dingwe tse bangwe ba mophato wa bona ba di dirang? Kwa bokhutlong jwa padi e ya bašwa, Masego o dumela gore e nnile "ngwaga wa matswakabele"! Ikutlwele gore a ena le Mmadikotsi ba lebanwe ke go nna mmogo – mme o buise ka ga tse dingwe tse di diragetseng ka ngwaga wa bona wa matswakabele wa Mophato wa 9.

Rramabole tota

by G Segone

Ditiro Mogale o ne a le thari go ya kwa sekolong fa a tla rakana le Keneilwe. Botsala jwa bona bo simologa fa ba ne ba tshwanetse go sala kwa sekolong go tsweletsa kotlhao ya bona mmogo. Fa botshelo jwa ga Ditiro bo simolola go raraanela kwa pele, ya nna tšhono ya go godisa botsala joo. Lemao, yo e neng e le tokololo ya setlhopha sa basimane ba ba neng ba tshabega ba Mophato wa 7, o kgerisa Ditiro gore a dumele go tsenela setlhopha sa bona le go tsaya karolo mo ntweng ya mabole a a sa sireletswang. Bogolo jwa nako ya ga Ditiro bo tsewa ke go tshwenyega ka kgang e mme ga a kgone go e bolelela ope fela fa e se Keneilwe. Ke ka ntlha ya eng balelapa la ga Ditiro ba sa rate fa a ka tsenela mabole? Kgatelelo ka balekane. Barutabana. Ruri Mophato wa 7 ga o bonolo! Fa kgang e ya magoletsa, re ithuta thata ka ga ditsala tse pedi tse, le ka fa ba neng ba thusana mathata a bona le go phologa mo Mophatong wa 7!

Motse wa gauta

by G Segone

Ditiro Mogale o ne a tshwanelwa ke go tlogela tse a neng a di tlwaetse e bile a di itse kwa morago. O leba kwa toropokgolong, ena le mmaagwe le monnaawe go ya go nna le rangwaneagwe. Ditiro o tshwenngwa ke diphetogo tse di tla nnang teng mo botshelong jwa gagwe. Go feta fa, e bile o ya kwa sekolong se segolwane! Botshelo kwa toropokgolong bo bontle e bile bo a itumedisa. Matsapa ke fa a ne a lemoga gore maphatsiphatsi otlhe ga a kaye gore ke gauta! Mmaagwe o ne a sa itumelela dithulaganyo tse di dirilweng tsa botshelo jo boswa – tota le balelapa la ga rrangwaneagwe ba ne ba sa itumela. Gantsi go nna thata go motho mang kana mang go ithuta ditsela tse dintšhwa tsa botshelo. Ka fa letlhakoreng le lengwe go sekolo se sešwa – le go lemoga e kete o saletse kwa morago ka dithuto tsa gagwe fa a ipapisa le balekane ba gagwe. Keneilwe le ene o ne a tshwanelwa ke go fudugela kwa toropokgolong gaufi le kwa Ditiro a nnang teng mme botsala jwa bona bo tla tswela pele. Ga nna botoka gore bonnye, sengwenyana mo botshelong jwa gagwe ke sa setlwaedi. Ditiro o lemoga gore ke setswerere sa kgwele ya dinao mme o dirisa motshameko o go tlosa kgakanego e e mo go ene tebang le sekolo, kwa lelapeng la gaabo le ka ga botsala jwa gagwe le Keneilwe mo tsamaong ya gagwe ya Mophato wa 8. Ngwaga oo, o fela ka maikutlo a a kwa godimo mo go Ditiro le Keneilwe. Kanelo e, e tlaa go tlogela o gamaregile, o eletsa go itse gore go tlaa diragala eng kwa pele.

Malakabe a pelo

by G Segone

Ditiro Mogale o itumetse – ke ngwaga yo o dirang Mophato wa 9 mme dilo tsotlhe di mo tsamaela sentle mmogo le balelapa la gaabo le ditsala. Ke ntsalaagwe Tshetsana fela yo o nang le lekau le a intshang le lona ka sephiri. Ditiro o tshwenyegile thata ka ene. Ke Keneilwe fela yo o itseng gore o tshwenyegile go le kana kang – Ditiro ga a batle go bolelela bagolo kwa gae gonne ga a batle go tsenya Tshetsana mo mathateng. Dithuto tse Ditiro a di fitlhelang kwa sekolong di mo tsenya tsebetsebe le go feta fa a akanya ka ga Tshetsana. Tota le go ba jela nala ga magodi ba gaabo ga go kokobetse makgwafo a gagwe ka ntlha ya mathata a ba yang ba a lebile. Fa ngwaga o tsweletse o ya, ditsala di ithuta ka ga nnete e e utlwisang botlhoko ya botshelo. Le fa go ntse jalo, go na le semaka se sentle se se mo letlhakoreng la ga Ditiro kwa bokhutlong jwa kanelo e. Bašwa ba Mophato wa 9 ba tla ikutlwa e kete ba inyalanya le Ditiro le ditsala tsa gagwe malebana le kgolo ya bona.

Melodi ya Poko: UBC Contracted

by Rm Ramagoshi

Melodi ya Poko ke kgoboko ya poko e ntšhwa e e tlhagafatsang, e kwadilwe ke baboki ba ba farologaneng ba mo nageng ka bophara mme ba tsweletsa dipaka le ditaele tsa botshwantshi tse di farologaneng. Kgoboko e, e tlhophetswe barutwana ba Mophato wa 12 ke Lefapha la Thuto mme e latela ditlhokego tsotlhe tsa Pegelo ya Pholisi ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo ya Setswana Puo ya Gae Mophato wa 12. Melodi ya Poko e tsweletsa diponagalo tse di ikgethileng tse di latelang: • matseno a a neelang barutwana lemorago la poko ka maikaelelo a go godisa kutlwisiso ya bona le gore ba itumelele poko • lokwalotshelo lwa mmoki mongwe le mongwe le le neelanang ka botshelo le ditiro tsa gagwe • dintlha tsa thuto ka ga poko tse di neelanang ka tshedimosetso ya lemorago la maboko, diponagalo tsa mefuta e e farologaneng ya maboko tse di tla thusang barutwana ka tshekatsheko ya maboko a a thata le go ba thusa ka ditiro tsa mo phaposing tsa morutwana ka nosi, barutwana ka bobedi le tsa setlhopha • lenanefoko kwa bofelong jwa kgoboko, lona le neelana ka ditlhaloso tsa mareo a poko tse di tla thusang barutwana go tlhaloganya poko bonolo • dipotso tsa mofuta wa tlhatlhobo tsa mangwe a maboko a a leng mo kgobokong di tla ba thusa go ikatisetsa tlhatlhobo ya makgaolakgang le dikarabo tse di ka solofelwang le tsona di neetswe go lekanya bokgoni jwa barutwana • tshupetso fa o sena go itepatepanya le kgoboko e, o tla rata go ithuta go ya kwa pele ka baboki le ditiro tse dingwe tsa bona.

Refine Search

Showing 101 through 125 of 144 results